AMOGELESEGA MO SETLHOPHENG SA RONA

kwa Love God Greatly Setswana, re tlhaloganya gore go thata go bona nako ya go nna mo Lefokong la Modimo, re lebeletse ka fa re nnang re mekamekane le ditiro ka teng. Ke ka moo re simolotseng Dithuto tsa Baebele tsa bomme tsa motlhale o o berekang o re o bitsang SOAP. Mo metsotsong e le 15 go ya go 20 ka letsatsi, re go thusa, e seng fela go bala Lefoko la Modimo, e leng go le diragatsa mo botshelong jwa gago o bo o le tshela.

Keletso ya rona ke go go direla ka Dithuto tsa rona tsa Babebele mo temeng ya gago le go go thusa go nna le setlhopha sa bomme ba o ka ithutang Lefoko le bone.

“Dithuto tse di fetotse botshelo jwame! Di motlhofo, di tsaya metsotso e ka nna 15, mme di nkatumetsa le Modimo! Ke rotloetsa ba bangwe go di leka!Onalenna Mphela

Dithuto tsa Baebele

LOVE GOD GREATLY KE ENG?

Love God Greatly ke bodiredi jwa lefatshe ka bophara jo bo thusang bomme go rata Modimo go le go golo ka matshelo a bone..thuto ya Baebele e le nngwe, tlhanolo e le nngwe, mme a le mongwe. Re lwantsha botlhokakitso jwa Baebele ka diteme tse di fetang 40 ka mekwalo ya rona e e dirilweng ka matsetseleko, re kaela bomme go tlhaloganya Modimo botoka jaaka ba tshela Lefoko la gagwe.

Play Video

Mosimolodi wa Love God Greatly:

Reetsa Mosimolodi le Mookamedi wa LGG, Angela Perritt.

Play Video

Dipolelo tsa Baranodi:

Mo lefatsheng ka bophara go na le bothoki jo bogolo jwa Dithuto tsa Baebele mo ditemeng ka go farologana. Fa o reka, madi otlhe a ya ko letlhoking le.

Reetsa dipolelo tsa bangwe ba  bomme ba rona ba bolela ka fa Modimo a dirang ditiro tse di molemo ka Love God Greatly.

Nna Mongwe wa Setlhopha sa Rona

Love God Greatly e simolola ka lenaneo la padi la Baebele, ga re felele foo. Re rata go kopana mo malwapeng le mo dikerekeng, fa ba bangwe ba kopana mo maranyaneng lefatshe ka bophara.