Melao ya go Boloka Sephiri

Go batla tshedimosetso, Tiriso, and Karogano.

Ke rona beng ba tshedimoso e e mo maranyaneng a. Re kgona go bona fela se o re se bolelelang ka email kana fa o eletsa go nna mongwe wa rona, kana fa o ikgolaganya le rona, jaaka fa o tlhoka thuso ya rona. Ga re kake ra rekisa kana ra abela ope kitso e. Re tla e dirisa fela go go araba.Ga re kake ra bolelela motho wa boraro ka ga wena, kwa ntle ga mokgatho wa rona, fa e se se se thusang gore re go arabe ka botlalo. Re ka ikgolaganya le wena ka email mo isagong go go bolelela ka ditlhwatlhwa tse di fokoditsweng, ditirelo tsa rona tse disha kana diphetogo mo melawaneng ya rona, fa o re letleletse. 

Tsa Theko

Re kopa go itse sengwe ka wena pele ga o reka. Fa o reka mo go rona, re tlhoka leina, email, aterese ya gago le tsa polokelo ya madi jaaka nomoro ya karata le gore e tswa leng mo tirisong. Se se dirisiwa go go duedisa fela. Fa re sa kgone go feleletsa otara ya gago, re ikgolaganya le wena Mo godimo ga moo, fa o reka, o re letlelela go bua le wena ka email, go arogana megopolo le wena le go go bolelela ka tse disha tse re nang le tsone. O ka supa fa o sa tlhole o batla go amogela melaetsa eo. 

Cookies

Re dirisa  “cookies” mo maranyaneng a.Cookie ke tshedimosetso e nnang mo maranyaneng fa o a etela go re thusa go go tlhofofaletsa go re tshwara le go lemoga ba ba re etelang gantsi . Sekai, fa re dirisa cookie go go lemoga, ga o tlhoke go tsenya nomoro ya gago ya sephiri go feta gangwe, ka jalo o boloka nako fa o reka mo maranyaneng a rona. Di Cookies gape di re letlelela go latedisa se badirisi ba maranyane a rona ba se ratang mme re se diragatse.Tiriso ya cookie ga e amane gope le kitso e e faphegileng ka motho ope mo maranyaneng a rona.

Dipatlisiso le Dikgaisano

Gangwe le gape maranyane a rona a go kopa go tsenelela dipatlisiso kana dikgaisano. Go istaya karolo ke boithaopo, ga o patelesege. Re ka go kopa leina la gago le aterese, kana tsa kwa o tswang teng jaaka lefelo le o nnang mo go lone, zip code le dingwaga. Re tla dirisa tshedimoso ya gago ya kgolagano go go itsese ka bafenyi le dimpho. Tshedimoso ya patlisiso e tla dirisiwa go tokafatsa tiriso ya maranyane a.

O ka itlhophela go sa romelelwa tsa thekiso ka nako nngwe le nngwe. O ka dira tse di latelang ka go ikgolaganya le rona ka chat, email kana nomore ya mogala e e mo maranyaneng a rona:

  • O bone gore re itse eng ka ga wena.
  • Go fetola se re se itseng ka ga wena.
  • Go sutlha kitso yotlhe ka ga gago.
  • Go ngongorega ka tiriso ya kitso ya rona ka ga gago.

Tsa Itshireletso

Re dirisa itshireletso e e tlwaelesegileng go sireletsa tshedimoso ya theko. Fa o romela melaetsa ya sephiri mo maranyaneng, re e sireletsa gongwe le gongwe. Fa re tsaya melaetsa e (jaaka ya karata ya banka), molaetsa o o kwalwa mo go fitlhegileng o bo o romelwa kwa go rona sentle. o ka rurifatsa se ka go batla letshwao la selotlele (lock icon) mo karolong ya aterese, o batle “https” kwa tshimologong ya tsebe ya maranyane. Ga re boloke sepe sa karata ya banka mo polokelong ya rona. Le fa re dirisa mokwalo o o fitlhegileng go sireletsa melaetsa ya sephiri mo maranyaneng, re e sireletsa le kwa ntle ga maranyane. Babereki ba ba tlhokang go dirisa kitso e  (sekai , ba ba duedisang kana ba ba thusang bareki) ke bone fela ba ba letlelwang go e bona. Di computer/polokelo tse re bayang kitso ka bareki di bewa mo lefelong le le siretsegileng .

Fa o bona e kare ga re tsamaelane le molawana o, ikgolaganye le rona.