Mapaki

Diketekete tsa bomme di a kgobokana lefatshe ka bophara go ithuta Lefoko la Modimo ka dithuto tse di ranotsweng ke ba  Love God Greatly. Ba bangwe ba ithuta ba le nosi fa ba bangwe ba kopana le ditlhophana mo motseng kana mo maranyaneng. Go tswa Ramatlabama go ya Ramokgwebana, bomme ba kopana, e seng fela go ithuta Baebele, e leng go nna le ditlhopha tse di lerato tse di rotloetsang kgolo mo semoweng.

Ipelele le rona tse Modimo a di dirang ka Love God Greatly jaaka o bala mapaki a bangwe ba bomme ba rona. 



“Fa bomme ba nonotshwa ka kitso ya Lefoko la Modimo, lefatshe le fetoga mme a le mongwe ka nako.”

Onalenna Mphela

Gaborone, Botswana

Ka ngwaga wa 2020 ke ne ke nna kwa Hungary le ba lelwapa lame. Ke ne ke kopile go ikhutsa mo tirong sebaka sa dingwaga di le pedi, ka jalo ke ne ke sa bereke. Ke ne ke a tle ke bone ditiro tsa nakwana, mme jaanong ya bofelo e ne ya senyega ka ntlha ya segajaja sa COVID-19. E re ntswa ke ne ke lebogela go nna le nako e ntsi le ba lelwapa lame, ke ne ke bolawa ke bodutu. Ke ne ke sa tlwaela go tlhola fela mo gae ke sa bereke.

Le fa go ntse jalo ke ne ke tsena kereke mme go na le ba ke tlwaelaneng le bone. Mongwe wa bone e ne e le Viola, mookamedi wa Love God Greatly (LGG). Fa ke tsere le ene dikgang morago ga kereke nako nngwe, o ne a mpolelela ka LGG a bo a botsa fa ke ka kgathegela go ranolela dithuto tsa Baebele mo thutong ya gaetsho. Ke ne  ka itumela thata, ka seka ka diya nako. Seo se ne se tla ntlosa bodutu. Gape re le bantsi ga re kgone go bala Baebele ka bonosi, ke ne ke itse gore jaanong ke tla ithutuntsha Baebele ka lenaneo ken a le bomme ba bangwe.

Go ranola dithuto tsa Baebele go ne ga intumedisa thata. Ke ne ke ikutlwa le nna ke na le mosola, ke dira sengwe se se ka amang matshelo a batho. Le fa tiro e ne e le ntsi, ke ne ke bona go le motlhofo fela.  Mo godimo ga moo, dithuto tse di ne di nkgodisa mo tumelong.Ke ne ke rata le ka fa lefoko la Modimo le ranolwang ka teng, mo go motlhofo go tlhaloganngwa ke mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore o na le dingwaga tse kahe a le mo tumelong.

Ke rata go ithaopa ko LGG ka gore ke kopana le bomme b aba ratang Modimo lefatshe lotlhe ka bophara. Ke rata le gore re nna re rutwa dithuto tse di farologanyeng gore re kgone go dira tiro ka botlalo. Dithuto tsa bone tsa Boeteledipele di ne tsa mpha mashetla a go etelela setlhopha sa rona sa Setswana. Ba ne ba nkgothatsa go etelela pele le fa ke ne ke sa itshephe.

Nna Mongwe wa Setlhopha sa Rona

Love God Greatly e simolola ka lenaneo la padi la Baebele, ga re felele foo. Re rata go kopana mo malwapeng le mo dikerekeng, fa ba bangwe ba kopana mo maranyaneng lefatshe ka bophara.