Ka go reng S.O.A.P.?

Go bala temana go botlhokwa, mme fa o ikamanya le yone, o e bala ka bonya, mafoko a simolola go nna le bokao jo bosha. Fa o dira motlhale wa SOAP mo ditemaneng o kgona go batlisisa temana thata o bo o nna le tshenolelo go nale fa o bala fela o feta.

Ke go kgothatsa go lebelela ditemana tsa letsatsi ka motlhale wa S.O.A.P. mme o iponele maduo ……o tsile go makala.

S.O.A.P. o raya eng?

S– S o raya  Scripture (Ditemana) – o kwalolola temana……o tla maka gore Modimo o go senolela eng fa o iketla o kwala se o se balang!

O– O o raya observation (Tshwaelo) – O bona eng mo ditemaneng tse o di balang? Di kwaletswe mang? Mokwadi o bua le mang? A go na le mafoko a a  boelelang? Ke afe mafoko a a buang le wena thata?

A– A o raya Application (Tiriso) – ke fa jaanong Lefoko la Modimo le go ama, e nna la gago. Modimo o bua le nna a reng tsatsi jeno? Ke ka dirisa jang se ke se badileng mo botshelong jwa me?
Ke tlhoka go fetola fa kae? Ke tlhoka go tsaya kgato efe?

P– Sa bofelo P o raya Prayer (Thapelo). Rapela Modimo ka Lefoko la Gagwe.Fa a go senoletse sengwe mo nakong e, rapela ka sone. Ikotlhaye fa a go senoletse boleo jwa gago.

Go ithuta Lefoko la Modimo go ka tsaya nakwana kana lebaka le le leele, go tswa fela mo go wena. Malatsi a mangwe e ka nna metsotso e le  Some 10 kana 15, malatsi a mangwe lebaka le le leele.

ke dirisa jang S.O.A.P.?

Sekai ….

Bakolose 1:5-8

S– Ka ntlha ya tsholofelo ya se lo se beetsweng mo magodimong, se lo setseng lo utlwile ka ga sona ka Lefoko la boammaaruri la Efangele le le tsileng go lona, fela jaaka le tsile mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete, jaaka lo ithutile mo go Epafera, motlhanka-ka-rona yo o rategang, yo e leng modiredi yo o boikanyo wa ga Keresete mo go lona,yo e bileng a re begetse lorato lwa lona lo lo tswang mo Moweng.

O– (Gantsi ke tlhomaganya se ke se tshwaelang……se ke se lemogang fa ke leba ditemana la ntlha)

  • Fa o kopanya tumelo le lorato, o nna le tsholofelo.
  • A re gakologelweng gore tsholofelo ya rona e kwa legodimong…….ga e ise e tle.
  • Efangedi ke lefoko la boammaaruri.
  • Lefoko le tsweletse ka go ungwa le gola go tswa letsatsing la ntlha go ya kwa go la bofelo.
  • Go tlhoka motho a le mongwe go fetola sechaba…..Epaphras.


A
– Se se nkgatlhileng tsatsi jeno ke gore Modimo o dirisitse motho a le mongwe, Epaphras go fetola toropo yotlhe!!! Ke ne ka gakologelwa gore re bileditswe go bolelela ba bangwe ka ga Keresete ……ke tiro ya Modimo go gasa efangedi ….go e godisa le gore e ungwe. Ke utlwa o kare ditemana tse di lebaganye leLGG…..mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete.” Ga go monate fa Lefoko la Modimo le tshela le bo le bua le rona mo seeming se re leng mo go sone?!!!! Thapelo yame tsatsi jeno ke gore bomme botlhe ba ba mo ithutuntshong e ya Baebele ba tlhaloganye tshegofatso ya Modimo mme ba nyorelwe lefoko la gagwe.

P– Morena, nthusa go nna “Epapras”…..ke bolelele ba bangwe ka ga wena mme ke bee maduo mo diatleng tsa gago tsa lerato. Nthusa go tlhaloganya le go dirisa se ke se badileng mo botshelong jwame, gore ke tshwane le wena. Nthusa go tshela botshelo jo bo ungwang tumelo le lerato……ke beile tsholofelo yame kwa legodimong, e seng mo lefatsheng. Nthusa go gakologelwa gore tse di MOLEMO di etla!

Se se botlhokwa fa o dirisa S.O.A.P. ke go tsalana le Lefoko la Modimo le tiriso ya Lefoko la gagwe mo botshelong jwa gago…

DIDIRISIWA TSA MOTLHALE WA SOAP

All Love God Greatly studies and Bibles are created using the SOAP method. Our materials provide a plan for what to read and help you learn more about God’s Word and how to apply it to your life.

.

(100%) a boela mo bodireding go thusa bomme lefatshe ka bophara gore
ba kgone go bala Lefoko la Modimo le le mo temeng ya bone! Mo nakong e, re ranolela dithuto tsa rona mo ditemeng di feta 40 mme e bile re batla go tswelela re gola!

Fa o reka, bodiredi jwa rona bo a gola!